Gaabo Motho go thebe phatswa.

Mokgatlo wa sedika sa Bojanala wa dipalangwa tsa botlhe o bolotsa mogwanto mo torôpông ya Rustenburg

0 166

Mokgatlho wa dipalangwa tsa botlhe wa Bojanala1 Regional Taxi Council o solofetswe gore gompieno 12 Lwetse 2019, o bolotse mogwanto go ya kwa dikagong tsa Pusoselegae ya Rustenburg; Missionary Mpheni House.

Go ya ka mokgatlho mogwanto e tlile go nna wa Kagiso mme o malebana le dingôngôrêgo tseo ba nang le tsona le Pusoselegae.

Go ntse go na le ketsaêtsêgô gore mogwanto o amana le metsêlêtsêlê ya megwanto eo naga e ntseng e e itemogêla kgatlhanong le batswantle bao ba latofadiwang ka go rekisa diritibatsi.

Reetsa dipuisano tseo di latelang go itsêêla go le gontsi.