Gaabo Motho go thebe phatswa.

R3000. Madi a go reka lekwalo itshupo kgotsa lekwalo la mosepele mo Aforika Borwa

0 321

Tshedimosetso eno e tlhageleletse mo pegelong ya sepodisi fa morago ga katlholo ya badiri ba pele ba Lefapha la merero ya selegae KwaZulu Natal.

Go ya ka mapodisi, Sandile Ngcobo wa dingwaga di le 33 mmogo le Phumlani Ndlovu wa dingwaga di le 46, ba ne ba direla Batswantle bao ba leng mo nageng kwa ntle le molao, makwaloitshupo le makwalo a mosepele mme ba ba duedisa R3000.

Go begwa fa bobedi bono bo ne bo dirisa maina le dinomoro tsa itshupo tsa MaAfrika Borwa le ditshwantsho tsa Batswantle go dira makwaloitshupo a a seng ka fa molaong.

Ngcobo le Ndlovu ba tshwerwe ka Lwetse 2020 fa morago ga dipatlisiso tsa Mapodisi a diHawks go latela kgetse ya manyofonyofo e ba neng ba e buletswe kwa Seteisheneng sa Pietermaritzburg.

Bobedi ba atlholetswe dingwaga di le thataro mo kgolegelong mme di le pedi di beetswe kwa thoko dingwaga di le tlhano tseo mo go tsona, ba sa tshwanelwang go bonwa molato yo o tshwanang le yo ba o atlholetsweng ga jaana.