Saturday, June 14, 2025
HomeBosetšhabaMmê le bana ba gagwe ba le babedi ba tlhokafala moragô ga...

Mmê le bana ba gagwe ba le babedi ba tlhokafala moragô ga go ja nama eo e nang le botlhole jwa magôtlô

Go ya ka Mapodisi, mosadi o kwetse molaêtsa gore ba losika ba sale ba mo tlhokomeletse bana.

Mosadi wa dingwaga di le 49 le bana ba gagwe ba le babedi ba dingwaga di le 6 le 11 Kwa Guqa, gaufi le Mpumalanga ba tlhokafetse fa moragô ga gore ba je nama eo e nang le botlhole jwa magôtlô.

Mapodisi a dumela fa mosadi yono a ne a ipolaya a le esi mme ka bomadimabe bana ba gagwe le bona ba felêlêtsa ba jele nama eo e nang le botlhole.

Go ya ka Mapodisi a Mpumalanga, morago ga gore mosadi yono a je nama, go dumelwa fa a ne a tsena ka nngwe ya diphaposi tsa ntlo mme a tlogêla nama fa bana ba neng ba e fitlhêlêla gona mme ba e ja.

Go ya pele mapodisi a tlhalositse fa bana ba fitlhêtswe ke mogoloabona yo o neng a ba sianesetsa kwa tleleniking, mme ka bomadimabe ba tsa phôlô ba ne ba netefatsa fa ba tlhokofetse.

Mokimisinara wa Mapodisi a Porôfênse ya Mpumalanga, Lt-Gen Mondli Zuma o ikuetse kwa baaging gore ba kope thuso fa ba itêmogêla matsapa mme ba seka ba swa senku.

RELATED ARTICLES

Most Popular

Recent Comments