Gaabo Motho go thebe phatswa.

Pusoselegae ya Moses Kotane e keteka kgwedi ya dipalangwa, baithuti ba lekgolo ba nêêlwa diperetshitswana

0 260
  • Pele ga fa tirelo e simolola go ne ga nna le kêtsaêtsêgô fa bangwe ba baagi ba ne ba tlhalosa gore moletlo ga o kake wa tswelêla fa e le gore Majoro wa Pusoselegae, Ralesole Diale o tlile go tsaya karolo mo moletlong.
  • Baagi bano ba ne ba tlhagisa dingôngôrêgô ka gareng ga tse dingwe: seêmô seo se se kgatlhiseng sa ditsela gammôgô le tlamêlô e e bokowa ya metsi
  • Fa morago ga kopano magareng ga kemedi ya baagi le Pusoselegae, tumelano e ne ya nna gore Majoro a boele morago mme molêtlo o tswêlêla jaaka go ne go rulagantswe
  • Ketekô-molêto e ne e akaretsa letsholo la go tsibosa kgatlhanong le tirisodikgoka mo basading le mo baneng go akaretsa le letsholo la go ipabalêla mo tseleng le tshedimosetso ka go fitlhêlêla thuso ya bao ba ikarabêlang mo Letloleng la Dikotsi tsa mo Ditseleng

Mokgalwaneng, Moses Kotane. Pusoselegae ya Moses Kotane ka tshwaraganêlô le dithêô le mafapha ao a farologaneng jaaka thutô, kgôpololô, Itekanêlô gammôgô le ba RAF, e ne ka 10 Diphalane 2019 ya keteka kgwedi ya dipalangwa ka go nêêla baithuti ba le lekgolo dipêrêtshitswana, dihêlemêtê le reflective jackets.

Ketekô e ne e tshwaretswe kwa Mokgalwaneng mme e ne e tsenetswe ke baithuti, batsadi le baagi ka kakaretso.

Pele ga fa moletlô o simolola go ne ga nna le kgotlhakgotlhanô magareng ga bangwe ba baagi le Pusoselegae fa baagi bano ba ne ba tlhalosa gore ketekô-moletlô ga e kake ya tswêlêla fa e le gore Majoro wa Pusoselegae, Ralesole Diale e tlile go nna karolo ya ditiragalo.

Baagi ba ne ba latofatsa Pusoselegae ka go re e ikgatholositse ditlhôkêgô tsa bona tseo gareng ga tse dingwe di akaretsang mebila eo e sa kgatlhiseng le thebolêlô / tlamêlô ya metsi.

Ketekô-moletlô e ne ya tswêlêla fa morago ga gore Pusoselegae le baagi ba dumelane ka gore Majoro Ralesole Diale a boele morago mme tlhogo ya Ditirêlô tsa baagi, Victor Kheswa e nne Majoro-Namaotshwareletse.

Fa a eme baithuti le batsadi ka lefoko mo boemong jwa Lefapha la Thutô, Mme Masipa yo e leng Motsamaisi wa kgaolo o gakolotse baagi gore ba tsêyê karolo mo thutông ya bana gonne ngwana e le sejô a tlhakanêlwa. Masipa o kgadile kgobotlêtso ya bana ka gore ke yona kgobotlêtso eno eo e lebisang kwa goreng bana ba feleletse ba nna morusu kwa dikolong.

Rêêtsa Puo ya ga Mme Masipa fano:

Modirediloagô go tswa kwa Lefapheng la Dikgopololô, Mme Tshegang o ne a êma baagi ka lefoko mme a ba tsibosa ka tshotlakakô ya thobalanô. Tshegang o tlhalositse kutlobotlhoko ya go begêlwa dikgetse tsa bana bao ba sotliwang ka thobalano ba santse ba le kwa dikolong-pôtlana.

Tshegang o ne a tswêlêla ka go kgala go tlhôka go tsaya karolo e e tletseng mo kgodisong ya bana ke batsadi mme a ngôngôrega ka gore seno se lebisa kwa tlhakatlhakanong ya bophelô jwa bana ba santse ba le bannye.

Rêêtsa puo ya ga Mme Tshegang fano:

Mme Molwantoa go tswa kwa Lefapheng la Tshireletsego ya Baagi le Tsamaiso ya Dipalangwa o ne a ikuêla kwa batsading go netefatsa gore ba êla tlhoko tshireletsego ya bana ba bona ka dipalangwa tseo di ba isang kwa dikolong.

Rêêtsa Puo ya ga Mme Molwantoa fano:

Fa a eme baagi ka lefoko jaaka Majoro-namaotshwareletse, Victor Kheswa o kaile fa Pusoselegae e nêêlane ka dipêrêtshitswana go rotloetsa le go tlhofofatsa go tsena sekolo sentle mo baithuting bao ba nnang kgakala le sekolo. Kheswa o ne gape a ikuela kwa batsading go thusa baithuti go tlhokomela dipêrêtshitswana tseo ba di nêêtsweng.

Rêêtsa puo ya ga Rre Kheswa fano: