Monna Wa Dingwaga Di le 38 O Tshwaretswe Go Gweba Ka Motekwane
Mapodisi kwa Colesberg kwa Kapa Bokone a gapile motekwane yo o lekanyediwang go R1.2 Million mme ba tshwarwa monna wa dingwaga di le 38 ka ditatofatso tsa go gweba ka motekwane.
Go ya ka sebueledi sa Mapodisi, mmelaelwa o tshwerwe go latela phuruphotso e e latetseng morago ga gore mokgweetsi wa bese a itsisitse bathapi ba gagwe gore monko wa motekwane o kueletse mo sepalangweng sa gagwe.
Bathapi ba ne ba itsise Mapodisi mme bese eo e e neng e tswa Cape Town go ya Johannesburg e ne ya emisiwa le go phuruphutshwa kwa Colesberg mo mosong wa Latshipi, 05 Moranang 2026.
Mapodisi ba ne ba fitlhela motekwane mo gare ga dikgwama di le pedi, mme fa morago ga dipatlisiso, monna wa dingwaga di le 38 yo go begwang e le ena mong wa dikgwama tseo, o ne a tshwarwa le go latofadiwa ka go gweba ka motekwane.
Go ya ka Mapodisi, mmelaelwa o ne a fitlhelwa a tshotse madi a le mantsi ao go sa tlhalosiwang gore ke bokae.
Mmelaelwa o tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo fa gautshwane, go arabela ditatofatso tseo a pharilweng ka tsona.
