HomeBokone BophirimaPuso Ya Bokone Bophirima e Goeletsa 2026 Jaaka Ngwaga Wa Go Direla...

Puso Ya Bokone Bophirima e Goeletsa 2026 Jaaka Ngwaga Wa Go Direla Baagi

Tonakgolo ya Bokone Bophirima, Lazarus Kagiso Mokgosi o goeleditse ngwaga wa 2026 “ngwaga wa go baakanya dipusoselegae le go fetola maemo a itsholelo.”

Mo Puong ya gagwe ya Seemo sa Porofense, Mokgosi o itsisitse maano le diphetogo tseo di tlileng go akaretsa baagi ba Bokone Bophirima. Metsi, ditsela, Mantlo, tsotlhe di tlhalosiwa fano.

🚧 Tlhabololo le kago ya ditsela

Moleko wa di-pothole yo o aparetseng Porofense gongwe o tla fela. Go beetswe thoko madi ao a fetang R1.6 billion go samagana le go tlhabolola ditsela go ralala Bokone Bophirima.

A Mantshonyana Mahika a Mmamosetsanyana? Nelson Mandela Drive kwa Motse Moshate e neetswe R700 Million go tswelela ka ditlhabololo, go akaretsa go go atolosiwa ga leborogo go tsamaya dikoloi di le pedi. Rakonteraka o solofetswe go goroga le go simolola tiro ka Moranang.

BoMorwa le Morwadia Nka Ikhuna ka ya Marung kwa Metsemagaeng ba gopotswe le bona. Tsela ele e e bolaisang dibese tsa Bojanala le dikoloi tsa baagi ka seretse fa pula e nele, ya 33km eo e golaganyang Dwarsberg le Pitsedisulejang kwa Pusoselagaeng ya Moses Kotane; Rakonteraka o solofetswe go simolola tiro ka Moranang. Le ele ya Magareng ga Swartruggens le Magaliesberg e beetswe R700 Million go rotloetsa le go tokafatsa kgwebisano magareng ga Botswana, Bokone Bophirima le Gauteng.

💧 Tlhobaboroko ya Metsi go ralala Porofense

Mokgosi o itsisitse fa ga jaana Puso e dirisitse Madi ao a lekanyediwang go R300 Million mo Letsholong la Operation Bulela Metsi go tokafatsa thebolelo ya metsi le leswe la boithusetso kwa Maquassi Hills, Moretele le Taung. R1.9 billion e beetswe thoko go tokafatsa thebolelo ya metsi kwa Madibeng, Ratlou, Mahikeng le Ramotshere Moiloa.

Setlamo sa thebolelo ya Metsi sa Rustenburg se solofetswe go tokafatsa kabelo ya metsi eo e edileng go baagi ba feta 140,000 kwa Bethanie, Modikoe, Berseba le Makolokwe.

🏠 Tshepo ka go neelwa Mantlo

Go beetswe thoko go feta R500 million go aga mantlo a le 1,148 kwa Madibeng, Moses Kotane le Matlosana. Ga jaana, R30 million e setse e dirisitswe go feleletsa kago ya mantlo a le 215 kwa Lethabong, Glodina, Sekhing le Kgomotso.

Go fedisiwa ga marulelo a asbestos go tswelela pele kwa Madibeng, JB Marks, Mahikeng le Ditsobotla mme go beetswe thoko madi a a kana ka R43 Million go tsweletsa porojeke eo.

💼 Ditiro di a gola mo Porofenseng

Porofense ya Bokone Bophirima e tlhomile ditiro di le 78,000 mo dikotareng di le pedi tsa bofelo jwa ngwaga wa 2025, mme seno se fokoditse botlhokatiro ka 6.2% eo e leng phokotso e e kwa godimo mo Aforika Borwa.

Mokgosi o itsisitse gore letlole le le ntšhwa la R100 million la Tswelotsopele ya Bokone Bophirima, le kwadisitswe mme le mo maemong a go thusa dikgwebo. Go ya ka Tonakgolo, Lefelo leo le kgethegileng go tsweletsa pele Itsholelo la Bojanala, leo go tlhalosiwang le ka ngokela dipeeletso tsa go lekana R12 Million fa le thankgollwa semmuso, le tlile go dira diphatlha tiro di le 12 000.

🏥 Boitekanelo le Thuto

R1.4 billion e beetswe thoko go tlhabolola dikago tsa dikolo go ralala Porofense, mme go lebeletswe gore dikolo tse dintšhwa di le 7 di tla bulwa fa gautshwane.

Chemotherapy Unit e ntšhwa e solofetswe go agiwa le go simolola go dira kwa bookelong jwa Mahikeng Provincial. Sekolo sa go ithutela bongaka sa Desmond Tutu kwa Unibesithing ya Bokone Bophirima se tlhomilwe semmuso, mme basha ba le 31 go tswa mo Porofenseng ba kwa Cuba ga jaana ba ithutela bongaka ka tshegetso ya Nelson Mandela Fidel Castro programme.

RELATED ARTICLES

Most Popular

Recent Comments