Mapodisi a Zwelitsha kwa East London, a tshwere monna wa dingwaga di le 45 ka ditatofatso tsa go gapa ka dikgoka, go betelela le go bolaya mosetsanyana wa dingwaga di le 7, kwa Parkside.
Go ya ka Sebueledi sa Mapodisi kwa Kapa Botlhaba, setopo sa mosetsanyana se bonwe kwa thothobolong ya Second Creek ka Lamatlhatso, 04 Moranang 2026, mme go ne ga fitlhelwa gore motswasetlhabelo o beteletswe le go kgamiwa.
Mapodisi a tlhalosa fa motswasetlhabelo a bonwe labofelo ka nako eo a neng a tshameka le bana ba bangwe.
Setopo se bonwe morago ga letsholopatlo. Fa morago ga gore Mapodise a dire dipatlisiso go akaretsa le bopaki jwa bana bao ba tlhalositseng fa ba bone motswasetlhabelo le mmelaelwa, gammogo le diteko tsa morago ga leso tseo di netefaditseng petelelo le go kgamiwa, mmelaelwa o ne a tshwarwa ka Labobedi, 07 Moranang 2026.
Mmelaelwa o tlile go tlhagelela Gompieno, 09 Moranang 2026, kwa kgotlatshekelong ya East London go arabela ditatofatso tsa go gapa ka dikgoka, petelelo le polao.
