HomeBosetšhaba🚨Batho Ba le Batlhano Ba Tshwaretswe Bosenyi Ba Go Rekisa Dikago Kwa...

🚨Batho Ba le Batlhano Ba Tshwaretswe Bosenyi Ba Go Rekisa Dikago Kwa Free State🚨

Babelaelwa ba le Batlhano, go akaretsa mmueledi, ba tshwerwe ke Mapodisi a Hawks kwa Bloemfontein ka ntlha ya go tsietsa batswasetlhabelo madi a lekanang R1.1 Million mo bosenying jwa go rekisa dikago.

👤 Babelaelwa ke:
• Advocate Siseko Leonard Cengcani (55)
• Tshadi Annah Molelekoa-Taso (44)
• Nomalizwe Brenda Nkwane (45)
• Nontsikelelo Grace Mkololo (41)

📍 Go diragetse eng?
Go ya ka Mapodisi, Babelaelwa ba bapaditse thekiso ya dikago mo Lekwalodikgang la Selegae la Express ka ngwaga wa 2020, ba dirisa maina a a farologaneng a ditheo, go akaretsa Blue Print Corner, QST Trading, Anti Poverty le Senothesha.

Batswasetlhabelo ba ne ba arabela dipapatso, ba bontshiwa dikago mme ba saenela go di reka. Ba ne ba laelwa go duelela dikago ka ditshepiso tsa gore ba tla fudugela mo go tsona mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo.

❌ Kante owaii dikago tseo di ne di sa rekisiwe.
❌ Batswasetlhabelo ga ba neelwa dikago kgotsa gona go busediwa madi a bona.

💸 Madi otlhe ao Batswasetlhabelo ba a tsieditsweng: R1,135,000

⚖️ Babelaelwa ba tlhageletse kwa Kgotlatshekelo ya Bloemfontein ka 16 Mopitloe 2026 mme ga ba neelwa bail.
📅 Kgetse e buseditswe morago go reediwa gape ka di 18 Mopitloe 2026.

🛑 Babelaelwa botlhe ga jaana ba kwa ntlo lefitshwaneng.

👉 Sepodisi se dirile boikuelo go baagi gore ba nne kelotlhoko fa ba arabela dipapatso tsa dikago le gore ba netefatse bomolao pele ga gore ba dire dituelo.

RELATED ARTICLES

Most Popular

Recent Comments