Gaabo Motho go thebe phatswa.

@NWPGOV e leba kwa Dr Ruth go samagana le dingôngôrêgô tebang le thêbolêlô ya ditirêlô

0 92

Puso ya Porôfênse ya Bokone Bophirima e tswile letsholo go ralala sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati go ikutlwêla ka tlhamalalo dilelo tsa baagi tebang le thêbolêlô ya ditirêlô.

Kemedi ya Puso eo e eteletsweng pele ke Tonakgolo Job Mokgoro e akaretsa Bakhuduthamaga ba Mafapha ao a farologaneng mme e simolotse metsêlêtsêlê ya dikôpanô le baagi ka Labobedi 02 Moranang 2019 kwa motseng wa Shaleng go atlhaatlha dintlha tse di malebana le kopo ya baagi go tlamêlwa ka tsela le matshwênyêgô ao a akaretsang a melelwane le Porôfênse ya Kapa Bokone.

Baagi ba sedika segolobogolo kwa `Pusoselegaeng tsa Naledi, Kagisano-Molopo le Taung yo o Mogolwane fa e sale ba lelêla kwa Pusong ba kopa go nêêlwa ditirêlô tse di botoka go akaretsa gareng ga tse dingwe, ditsela; kagô ya mantlo; metsi le kgelêlô eo e tlhapisang pelo ya digweregwere.

Mo makgetlhong a le mmalwa baagi ba boloditse megwantô, ba thiba ditsela le go tlhotlhêtsa melelo ba tshuba maotwana le dikago le dithêô tsa puso, mme fela tseo ba neng ba di ngôngôrêgêla tsa nne di epeile ka bodipa.

Loêtô la ga Tonakgolo la beke yotlhe kwa sedikeng le tlile go akaretsa dipuisano le bannaleseabê bao ba akaretsang tsamaiso ya bogosi, makhanselara a selegae le baagi.

Bonolo Mohlakoana, Kantoro ya Tonakgolo

Fa morago ga go kopana le baagi ba Shaleng, kemedi e tlile go kopana le baagi ba Vryburg tebang le tlhôkêgô ya metsi eo baagi ba sa bolong go lela ka yona.

Kwa Pusoselegaeng ya Kagisano-Molopo, Tonakgolo o tlile go buisana kgotla tsamaiso ya Barolong Boo Tlou le Tau mo mesong, mme a kopane le makhanselara le baagi thapama. Dipuisano tsa gagwe le bannaleseabê bano di tla be di le ka ga thebolêlô ya ditirêlô le go tlhalosetsa baagi lebaka la go baya Pusoselegae ka fa tlase ga tsamaiso ya molawana wa 139 (b) le gore go lebeletswe gore seno se tla ama thêbolêlô ya ditirêlô jang.

Bonolo Mohlakoana.