Lekôkô la Democratic Alliance mo Bokone Bophirima le ikuetse kwa pusong go netefatsa fa tirêlô ya sepodisi e matlafadiwa go e kgôntsha go samagana le bosenyi, segolobogolo ka dinako tseo ka tsona motlakase o a bong o tsamaile.
Ntlhopheng wa botonakgolo wa Democratic Alliance mo Porôfênseng, Joe McGluwa o buile seno ka nako ya fa lekôkô la gaabo le boloditswe mogwantô kwa seteisheneng sa Mapodisi sa Mmabatho ka Labotlhano 29 Mopitlwe 2019.
McGluwa o kaile go ya pele gore jaaka lekôkô ba etse tlhoko gore ditiragalo tsa bosenyi mo Porôfênseng di ntse di ya kwa godimo, segolobogolo kwa dikarolong tse di kgakala.
Go ya ka McGluwa go tima go go aparetseng naga ga motlakase go tlhotlheletsa ditiro tsa bosenyi ka ntlha ya fa mafaratlhatlha a dikgokaganyô a sa dire fa motlakase o tima, mme seno se dire gore baagi ba retelêlwê ke go letsetsa mapodisi le ditirêlô tsa tshoganyetso.
Lekôkô la gaabo McGluwa le kgadile ka bogale seo le reng ke ‘go wela tlase ga katiso ya mapodisi, go fokodiwa ga didiriswa tseo di kgôntshang mapodisi go dira tiro ya ôna, go itshunya nkô ga Mapolotiki mo go tlhôpiweng ga baeteledipele ba sepodise mo Porôfênseng le Bosetšhaba gammogo le go tlhatlhosiwa mo tirong ga mapodisi go lebeletswe kgolagano ya bona le lekôkô leo le busang mme go sa lebêlêlwe bokgoni jwa bona mo tirong.’