Tuesday, January 13, 2026
HomeBosetšhabaMosadi wa dingwaga di le 25 kwa Brandfort o tshwaretswe go phuaganya...

Mosadi wa dingwaga di le 25 kwa Brandfort o tshwaretswe go phuaganya lesea la gagwe la malatsi a le mabedi fa thoko ga tsela

Mapodisi a Aforika Borwa kwa Brandfort a tshwere mosadi wa dingwaga di le 25 ka ditatofatso tsa maiteko a polao fa morago ga gore mosadi yoo, a phuaganye lesea la gagwe la malatsi a le mabedi fa thoko ga tsela.

Lesea leo Mapodisi a begang fa e le mosimane, le ne la bonwa ke bafeti ka tsela go bapa le tsela kwa Theunissen ka Labotlhano, 12 Sedimonthole 2025.

Ka ntlha ya fa go ne go lebega fa pula e tla tloga e tshologa, bafeti ka tsela ba ne ba tsaya lesea, ba ya le lona gae, mme morago ba bega tiragalo kwa sepodising.

Go latela dipatlisiso tsa Mapodisi, mmagagwe lesea leno o ne a tshwarwa kwa Brandfort mme o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlatshekelo ya Theunissen fa gautshwane.

RELATED ARTICLES

Most Popular

Recent Comments