Tuesday, January 13, 2026
HomeBosetšhabaMonna wa dingwaga di le 32 kwa Ficksburg o tshwaretswe go bolaya...

Monna wa dingwaga di le 32 kwa Ficksburg o tshwaretswe go bolaya mokapelo wa gagwe wa dingwaga di le 24

Dipego di tlhalosa gore mmelaelwa o ne a latofatsa motswasetlhabelo ka go ratana kwa ntle.

Mapodisi a Ficksburg kwa Free State a tshwerwe monna wa dingwaga di le 32 ka tatofatso ya polao ya mokapelo wa gagwe.

Pegelo ya Mapodisi e tlhalosa fa mmelaelwa wa dingwaga di le 32 a bolaile Nomsa Kotope wa dingwaga di le 24 a mo latofatsa ka go ratana kwa ntle. Tiragalo eno e diragetse kwa motswasetlhabelo a neng a hirile bonno teng kwa Zone 2, Meqheleng.

Go ya ka Mapodisi, tiragalo eno e tlaleilwe ke mokapelo wa pele wa mmelaelwa yo o neng a goroga kwa seteisheneng sa Mapodisi ka Lamatlhatso mme a ba itsise fa go na le polao kwa bonnong jwa motswasetlhabelo kwa Zone 2, Meqheleng.

Mo tsibogong ya bona, Mapodisi ba fitlhetse motswasetlhabelo a le mo gare ga madi mme ba bitsa badiredi ba thuso ya tshoganetso bao ba neng ba ba tlhobosetsa fa motswasetlhabelo a latlhegetswe ke botshelo.

Go ya ka pegelo ya Mapodisi, mmelaelwa o ne a tshwarwa moragonyana ga tiragalo mme a pegiwa molato wa polao yo a solofetsweng go a arabela ka Labobedi, 09 Sedimonthole kwa kgotlatshekelo ya Ficksburg.

RELATED ARTICLES

Most Popular

Recent Comments