Gaabo Motho go thebe phatswa.

Lefapha la Bosetšhaba la Dipalangwa le letlêlêla dipalangwa tsa botlhe go dira

0 183
  • Lefapha le a re le dira seno go kgontsha bao ba golang madi a SASSA go amogêla madi a bona
  • Dipalangwa di tlile go dira go simolola ka ura ya botlhano mo mesong (5H00) go fitlha ka ura ya borobedi maabanyane (20H00)

Baagi bao ba amogêlang madi a SASSA ba tla kgôna go dirisa dipalangwa tsa botlhe go fitlhêlêla mafelo ao ba amogêlang kwa go ona.

Seno se itsisitswe ke tona ya Bosetšhaba ya Dipalangwa Dikole Mbalula gompieno 29 Mopitlwe 2020.

Mbalula o tlhalositse fa seno e le go latela kopo ya gore dipalangwa tsa botlhe di ôkeletswe nako ya go dira ke bannaleseabê bao ba farologaneng go akaretsa le tona ya Tsweletsopele ya Loagô, Lindiwe Zulu.

Go simolola kamoso, 30 Mopitlwe 2020 go fitlha ka Labotlhano, 3 Moranang 2020, dibese le ditaxi di tlile go letlêlêlwa go dira go tloga ka 05H00 go fitlha ka 20H00 go rekêgêla ditlhokêgô tsa bagarona bao ba leng lehumeng.

Mbalula o tlhalositse gore botlhe bao ba dirisang dipalangwa tsa botlhe ga ba a tshwanêla go atamêlana.

Êfoga go kôpana le batho ba le bantsi

Gakologêlwa mogaetsho gore fa e le gore o ka kgona go bona madi a gago kwa o nnang gona, itshôkêlê gore o a bone kwa teng.

Seno ke ka ntlha ya gore fa o ntse o kopana le batho ba le bantsi, o godisa kgônagalô ya gore o tshwaêtsêgê. Ka ga jalo itirêlê molemô wena le bao o nnang le bona mme o fokotsê mosepele.

Marêkêlô a le mantsi mo magaeng a tla be a butswe mme re rotloetsa gore a re diriseng ona go na le gore re dirise dipalangwa tsa botlhe go ya kwa toropong.

Go botlhôkwa thata mogaetsho gore re itshirêlêtse mo mogareng wa Covid-19 mme go sa kôpakôpane le batho ba le bantsi go ka thusa thata mo twantshong ya kanamô ya mogare yono.