
Bagaetsho go rileng? Ke eng tota? Tseno ke dipotso tseo motho o ka felêlêtsang o di ipotsa fa o utlwa gore ngwana o beteletse le go bolaya motsadi wa gagwe.
Tiragalô e e maswê eno ya matlhabisaditlhông, go begwa e diragêtse kwa Rietvale, Modderriver; Kapa Bokone ka Latshipi 02 Tlhakole 2020.
Go ya ka Sebueledi sa Mapodisi Brigadier Ramatseba, mmelaêlwa wa dingwaga di le 36 o ne a ntse le motsadi wa gagwe wa dingwaga di le 51 ba nwa mofeine ka fa tlase ga setlhare ka maabanyane.
Go begwa fa mmelaêlwa a ne a simolola go betêlêla motsadi wa gagwe mme a bonwa ke mofetikatsela yo o neng a goêlêtsa thuso. Mapodisi a ne a bitswa mme ka bomadimabe ba fitlhela motsadi a tlhokôfêtse.
Go ya ka Ramatseba, ditekô tsa morago ga loso tseo di dirilweng gompieno 04 Tlhakole 2020, di supa fa mmelaêlwa a kgamile motsadi wa gagwe.
Molatofadiwa o tlile go tlhagêlêla kwa kgotlatshêkêlô ka Laboraro 05 Tlhakole 2020 a lebanwe ke ditatofatsô tsa petêlêlô le polaô.
Mapodisi a tsweletse ka dipatlisiso.