Gaabo Motho go thebe phatswa.

RE LOME TSEBE

A go na le sengwe se o se itseng  mme rona re sa itse ka sona?

Le fa go na re leka go bega dikgang ka bophara jaaka di diragala, ga re kgone go nna teng mo mafelong otlhe mme ka jalo dikgang dingwe di a re tlola. Ke teng fao re go kopang gore o re lome tsebe ka tseo di diragalang re sa di itse. 

Fa o re loma tsebe:

  • Nna mokhutshwane mo puong mme o tlhamalale 
  • Se o se re bolelelang ga re kitla re tlhagisa gore re se boleletswe ke wena
  • Ga re kitla re tlhagisa leina la gago, ntle fela fa wena o sena bothata ba gore re le tlhagise 
  • Re ikaegile thata ka Bokone Bophirima, Kapa Bokone, Gauteng le Freistata mme re lebeletse thata dikgang tsa tsweletsopele ya naga, thuto, maphelo, boitapoloso gammogo le dikgang tsa sesheng ka kakaretso
  • Ga re netefatse gore tshedimosetso ya gago e ka feleletsa e le dikgang, fela re tla e sekaseka mme fa re bona e ka nna dikgang re tla ikgolaganya le wena
  • Fa o batla go re sebela sengwe ikgolaganye le rona