Ngaka ya Setso kwa motseng wa Worcester, Limpopo o bolailwe ka Latshipi, 21 Sedimonthole 2025. Go ya ka Mapodisi, ngaka eno e leng Monna wa dingwaga di le 67, e bolailwe ka go thuntsiwa kwa legaeng la gagwe.
Go ya ka Sebueledi sa Mapodisi, Colonel Malesela Ledwaba, fa Mapodisi a goroga kwa legaeng la motswasetlhabelo, ba mo fitlhetse a bolailwe mo mathuding mme fa ba tsweletse ka dipatlisiso tsa bona, ba ne ba fitlhela sephuthelwana sa kolo ya 9mm fa lefelong la tiragalo.
Leina la Motswasetlhabelo le itsisitswe fa e le Michel Maanaso, mme ga jaana Mapodisi a tlhalositse gore ga go ise go tswariwe ope tebang le polao eno, eo go ya pele ba tlhalositsweng fa ba ise ba kgone go netefatsa gore e tlhotlheleditswe ke eng.
