Gaabo Motho go thebe phatswa.

Moithuti kwaZulu o bolailwe ka go tlhabiwa

0 144

Go ya ka dipego, motswasetlhabêlô o bolailwe fa morago ga gore a gane go robalana le mmolai wa gagwe.

Ga go ise go tshwarwe ope mme Mapodisi KwaZulu a tsweletse ka dipatlisiso.

Tirisodikgoka eo e tsweleditsweng ke bangwe ba banna kgatlhanong le basadi mo Aforika Borwa, e sa tswa go tsaya botshelo jwa yo mongwe wa baithuti ba dithêô tsa thutô e e kgolwane mo nageng.

Seno se latela go tlhokafala ga ga Sinethemba Ndlovu wa dingwaga di le 22 yo dipegô di tlhalosang fa e le moithuti kwa Unibesithing ya KwaZulu-Natal.

Go bolawa ga ga Sinethemba go latela fa morago ga go bolaiwa ga Uyinene Mrwetyana, Jesse Hess, Natasha Conabeer le Leighandré Jegels bao dintsho tsa bona di neng tsa ama Aforika Borwa le go oketsa boikuêlô gore Puso e tsêyê dikgathô go samagana le tirisodikgoka kgatlhanong le basadi.

Go ya ka dipegô, Sinethemba o bolailwe a le mo tseleng go tswa kwa lebelong la dikoloi la Msinga Driftkhana kwa a neng a tswa tirong gona.

Barulaganyi ba Msinga Driftkhana ba tlhalositse mo pegêlông gore ba bangwe ba badiri ba ne ba swetsa go se pagame senamêlwa seo ba neng ba se rulaganyeditswe go ba isa gae, gonne ba ne ba batla go itisa ka tiragatso ya mmino eo e neng e rulagantswe.

Setlhopha sa makgarebe ao a neng a setse a ne morago a swetsa go tsamaya ka maoto go ya kwa lefelong-bonnô jwa bona. Ka bomadibe e rile ba le mo tseleng, yo mongwe wa bona o ne a tlhaselwa ke banna bao ba sa itsiweng mme a nêêla mowa mo tseleng go ya boôkêlông.

Nyeleti T Khoza on Twitter: “You can’t be too aggressive they’ll kill you. You can’t be too nice coz they think you want them, then kill you. You can’t be a WOMAN with a voice in SOUTH AFRICA. They’ll KILL you #RIPSne / Twitter”

You can’t be too aggressive they’ll kill you. You can’t be too nice coz they think you want them, then kill you. You can’t be a WOMAN with a voice in SOUTH AFRICA. They’ll KILL you #RIPSne