Mapodisi ka kwa Rustenburg mo Porofenseng ya Bokone Bophirima, ba tlhotse ba tshwere phage ka mangana ba kobakobane le maepagotlhe ao a tseneletseng lefatshe ba le gonya, mo maitekong a bona a go ikhumisa ka bonako ka kungo ya chrome.
Tiragalo ya gompieno e diragetse kwa Polaseng nngwe kwa Kroondal gaufi le teropo eno eo e itsegeng ka go ntsha kungo ya platinum.
Go ya ka pegelo ya Sepodisi, ga go na ope yo o tshwerweng mo tiragalong gonne baepi bao ba seng ka fa molaong ba chrome ba ne ba nowa ke phefo ba nyamalela mo sekgweng, ba phuaganya gotlhe go akaretsa dikoloi di le pedi, mechini eo e epang e le 20 gammogo le dillori di le pedi tseo di laisang chrome.

Tiragalo ya gompieno ke karolo ya letsholo kgatlhanong le meepo eo e seng ka fa molaong eo e aparetseng Porofense ya Bokone Bophirima, mme e tla fa morago ga metseletsele ya go leka go fedisa bothata jono bo bo itemogelwang kwa Bapong gaufi le Majakaneng, teng mo kgaolong ya Rustenburg.
Mokimisinara nama o tshwareletse wa Mapodisi a Bokone Bophirima, Major General Ryno Naidoo o tlhalositse gore ga ba kitla ba a swa lentswe mo go kgaleng ditiragalo tsa botlhakatsebe tsa meepo eo e seng mo molaong tseo di itemogelwang go ralala Porofense, mme seno e le go sireletsa madirelo ao a leng mo molaong le baagi bao botlhakatsebe bono bo ba amang.
