Mapodisi kwa Gauteng a tshwere babelaelwa ba le 10 ba go begwang e le Batswantle bao ba seng ka fa molaong, ka ditatofatso tsa go nna le seabe mo bothateng jo bo aparetseng Aforika Borwa ba meepo eo e seng ka fa molaong.
Go ya ka Sebueledi sa Mapodisi kwa Gauteng, Lieutenant Colonel Mavela Masondo, babelaelwa ba leletswe ke ditshipi ka Laboraro, 24 Sedimonthole 2025 fa morago ga phuruphotso eo e dirilweng ke batlhokomedi ba moepo mongwe kwa Westonoria. Ka nako ya phuruphutso batlhokomedi ba ne ba fitlhela banna ba le robedi ba Batswantle mo ntlong nngwe ka dithunya gammogo le dikolo.
Morago ga gore Mapodisi a bitswe, babelaelwa ba ne ba amogiwa dithunya tsa pistol di le nne gammogo le AK 47 go akaretsa le dikolo mme ba tshwarwa Batswantle ba bangwe ba le babedi le moagi wa MoAforika Borwa yo go begwang fa a ntse a ba hiriseditse marobalo, mme a lebaganwe ga jaana ke ditatofatso tsa go nna le Batswantle bao ba seng ka fa molaong.
Masondo o tlhalositse gore dipatlisiso tseo di tseneletseng di tla dirwa go netefatsa gore a dithunya tseo di fitlhetsweng mo babelaelweng ga di golagane le tiragalo ya go tlhasela kwa taverneng nngwe kwa Bekkersdal eo e diragetseng ka 21 Sedimonthole 2025.
Babelaelwa botlhe ba tlile go tlhagelela kwa kgotlatshekelo ya Westonaria ka Mosupologo, 29 Sedimonthole 2025 go arabela ditatofatso tsa go nna le dithunya le dikolo e se ka fa molaong, go nna mo nageng e se ka fa molaong, meepo eo e seng ka fa molaong gammogo le go nna le Batswantle bao ba seng ka fa molaong.
