Sunday, February 1, 2026
HomeTemothuo, Tikologo le TlhagoKe dijwalo tse di feng tseo o ka di jwala ga jaana?

Ke dijwalo tse di feng tseo o ka di jwala ga jaana?

E re ka ga jaana re feleletsa Kgwedi ya Ferikgong ebile ba bangwe ba rona ba tsweletse go kotula dijwalo tseo ba neng ba di jwala fa Selemo se simologa mo ngwageng yo o fetileng, bangwe ba rona re ipotsa gore a re santse re ka jwala gape.

Ga jaana re pagama Kgwedi ya Tlhakole eo e leng yona ya bofelo ya paka ya Selemo mme e tla re fa Mopitlwe a tsena, a be a re gorosetsa paka ya Dikgakologo eo e tla reng fa e fela e be e re lebisa kwa pakeng ya Mariga.

Seno se raya gore re santse re ka kgona go jwala dijwalo tseo di akaretsang Mmidi, Mabele, Dinawa, Magapu, Makgomane, Maphutshi le Nchwe. Fa o le motho yo o ratang go jwala merogo, o ka dira jalo ka ntlha ya gore dijwalo go le gantsi di bolaiwa ke serame seo se feteletseng ebile se tsamaya le phefo eo e tshubang dijwalo eo e itsegeng jaaka Black Forest ka puo ya Sekgowa.

Tiragalo eno go le gantsi e itemogelwa ka Kgwedi ya Seetebosigo fa e le fa gare kgotsa ya Phukwi fa e ya fifing mo dikarolong tsa naga tseo di sa itemogeleng go wa ga segagane. Seno ga se reye gore ga go nne le serame go simolola ka Kgwedi ya Motsheganong. Serame sa Motsheganong ga se serame seo se bolayang dijwalo, ka jalo fa o simolola go jwala ka Tlhakole, o tlile go kgona go kotula bontsi ba dijwalo tsa gago pele serame se se bogale se di utlwisa botlhoko.

Dikarolo di le dintsi tsa Porofense ya Bokone Bophirima le Limpopo go akaretsa le mafelo mangwe a Botswana ga se go le gantsi a itemogela serame seo se feteletseng kgotsa segagane, ka jalo fa o nna mo dikarolong tse, jwala mogaetsho, jwala sengwe le sengwe seo o se batlang.

Fa o le mo dikarolong tseo di itemogelang serame seo se feteletseng kgotsa segagane, sekamela thata ka fa dijwalong tseo di kgonang go emelelana le serame, dijwalo di tshwana le merogo jaaka Spinach, Cabbage, Beetroots, Onions, Carrots Mme o ka lekeletsa lesego la gago ka go jwala ditapole le ditamati tseo di sa goleleng kwa godimo jaaka Rodade kgotsa Floradade mme o efoge Moneymaker le tse dingwe tseo di tsayang sebaka di le mo tshimong. Fa o na le maano a go itse gore o tla di sireletsa jang kgatlhanong le serame, kgotsa o jwala mo gare ga Greenhouse Tunnel, o ka tswelela ka go jwala mofuta yo tsayang sebaka wa ditamati gonne di tlile go sireletshega kgatlhanong le serame.

O ka lekeletsa gape lesego la gago ka go jwala Sweet le Hot Peppers, tseo re di bitsang Green Pepper le Chillies, mme go botlhale thata gore o simolole ka diplantjies kgotsa seedlings gonne di tlile go golela kapele go gaisa fa o simolola ka go jwala mo mmung ka tlhamalalo. Fa o jwala diplantjies ga jaana, mo sebakeng sa Kgwedi fa Mopitlwe a simolola e tlabe e godile mme fa Moranang a tsena e tlabe e simolola go goloka dijo. Fa o simolola ka go jwala mo mmung ka tlhamalalo ga jaana, fa Mopitlwe a simolola dijwalo tsa gago di tlabe di simolola go tlhoga bontsi jwa tsona, kgotsa di le mo bekeng ya bobedi di ntse di tlhogile. Gakologelwa gore ga jaana nako ya go jwalela paka ya Selemo e pitlagane, ka jalo e dirise sentle.

Dijwalo di tshwana le Ditamati, Maphutshe, Magapu, Green Pepper, Chillies le tse dingwe tseo di jwalwang ka paka ya Selemo, tlhwatlhwa ya tsona e ya kwa godimo ka Mariga. Fa o ka di jwala ga jaana Mme wa kgona gore e re Mariga e be o kgona go di kotula le go di rekisa, o ka itirela letseno leo le kgotsofatsang. Ka ga jalo, beta pelo Mogaetsho, di jwale gammogo le tseo di sa tshabeng serame. Ga o kitla o swa fa go ka se tsamae ka mokgwa yo o tlabeng o solofetse ka teng, Mme gape o tlabe o santse o ka kgona go kotula tsa Mariga.

RELATED ARTICLES

Most Popular

Recent Comments