Ikêlê tlhôkô fa o kgoetsa mo N14, R503, R52 le R53

Mapodisi mo Bokone Bophirima a tlhalosa fa ditsela tseno di ratiwa ke matswikinape.


Sebueledi sa Mapodisi a Bokone Bophirima, Mokôlônêlê Adéle Myburgh o tlhagisitse tsiboso mo bakgweetsing go nna kelôtlhôkô thata fa ba dirisa mebila ya N14, R503, R52 le R53.

Mebila eno, magareng ga Ventersdorp le Coligny; Coligny le Lichtenburg gammôgô le Ventersdorp le Koster e kaiwa e ratiwa ke matswikinape ao a ratang go amoga beng dikoloi tsa bona.

Myburgh a re bakgweetsi ba nne kêlôtlhôko thata fa ba ema fa thoko ga tsela kgotsa ba emisiwa ke badirisi ba bangwe ba tsela, ka ntlha ya fa ba ka iphitlhela ba tseetswe dikoloi tsa bona.

Ka Phatwe motswasetlhabêlô wa dingwaga di le 34 o ne a emisiwa ke setlhopha sa banna ba apere moaparo wa badiri ba pharakano gaufi le Lichtenburg. Ba ne ba mmatla lekwalo la go kgoetsa mme morago ba mo supa ka sethunya. Babelaelwa ba ne morago ba mo tanisa sejanaga sa gagwe ka fa morago ba tsamaya ka ene. Ba ne ba mo tlogêla gaufi le tsela magareng ga Ventersdorp le Krugersdorp

Mo tiragalong e nngwe gona ka Phatwe, motswasetlhabêlô yo o neng a kgweetsa magareng ga Ventersdorp le Coligny o ne a ema go nametsa tlhôgwana, morago o ne a nametsa ditlhôgwana tse dingwe gape tse pedi. Fa ba gôrôga kwa Coligny, motswasetlhabêlô o ne a ema gore e nngwe ya ditlhôgwana e fologe, mme fa e tshwanetse e fologe, babelaelwa ba ne ba tsaya sepannêrê seo se bofololang maotwana mme ba rutha motswasetlhabêlô ka sôna pele ba mo tlogêla fa thoko ga tsela mme ba inaya naga ka sejanaga sa gagwe.

Myburgh o tlhalositse gore bakgweetsi ba seka ba êmaêma fela. A re fa ba emisiwa ke Mapodisi kgotsa badiri ba pharakanô mme ba utlwa ba itêwa ke letswalo, ba iteye mabone a tshoganyetso mme ba lebê kwa seteisheneng se se gaufi sa mapodisi.