Bapagami ba bese ba le 12 ba latlhegetswe ke botshelo mo kotsing kwa Gauteng

Go ya ka Sebueledi sa Ekurhuleni, kotsi e diragetse mo mosong pele ga ura ya 7, gaufi le Boemelafofane ba Boditšhaba ba OR Tambo. Setshwantsho: Ekurhuleni, X.

Bapagami ba le 12 ba latlhegetswe ke botshelo mme ba le 45 ba gobetse mo kotsing ya go menoga ga bese kwa Gauteng, gaufi le Boemelafofane ba Boditšhaba ba OR Tambo.

Go ya ka Sebueledi sa Pusoselegae ya Toropo ya Ekurhuleni, Zweli Dlamini, ga go ise go totobale gore kotsi eno eo e diragetseng mo mosong pele ga ura ya bosupa, e bakilwe ke eng.


Go ya ka pegelo ya Pusoselegae, bao ba gobetseng ba isitswe kwa maokelong a OR Tambo, Tembisa gammogo le Edenvale.

Mokhanselara Andile Mngwevu yo o ikarabelang mo lephateng la ditsela gammogo le tsamaiso ya dipalangwa kwa Ekurhuleni o rometse melaetsa ya matshediso le ya keleletso pholo go bao ba latlhegetsweng ke masika le bao ba amogetsweng kwa maokelong.

Mngwevu o tlhalositse fa ba utlwile botlhoko ebile ba feletswe ke mafoko ka ntlha ya matlhotlhapelo ano.

Go botlhoko go bona ditopo di le dintsi di lalaane jaana, re utlwela botlhoko ba malapa a batswasetlhabelo, bao ba neng ba solofetse go bona bagabona ba boela magaeng moragonyana gompieno.

Go ya pele Mngwevu o tlhalositse gore Ekurhuleni e tlile go netefatsa gore e tlhomamisa seo se bakileng kotsi eno.


Go ya ka Sebueledi sa Ekurhuleni, ga jaana ga go bontshe fa gona le sepalangwa se sengwe gape seo se amegileng mo kotsing eno.