Mapodisi kwa Watervaal, Limpopo a tshwere monna wa dingwaga di le 28 ka ditatafatso tsa petelelo, go thopa le go tshosetsa Mmaagwe.
Go ya ka Sebueledi sa Mapodisi, Colonel Malesela Ledwaba, tiragalo e diragetse ka Lamatlhatso, 13 Sedimonthole 2025 mo maabanyaneng morago ga gore mmelaelwa a batle madi mo go mmaagwe. Motsadi o ne a latola madi.
Go ya pele Ledwaba o tlhalositse gore mmelaelwa o ne a simolola go nna mafega mo go mmaagwe, mme a mo tlhasela le go mmetelela. Morago ga go mmetelela, mmelaelwa o ne a mo tswalela mo ntlong a e notlela mme a tsamaya.
Fa morago ga gore a thusiwe ke baagi, motswasetlhabelo o ne a itsise Mapodisi ka seo se mo diragaletseng mme mmelaelwa o ne a tshwarwa ka Mosupologo, 15 Sedimonthole 2025 a lebaganwe ke ditatofatso tsa petelelo, go thopa le go tshosetsa. O tla tlhagelela kwa kgotlatshekelo ka Laboraro, 17 Sedimonthole 2025.
