Babelaelwa ba le Barataro ba tshwerwe mo kgothotsong kwa Vanderbijlpark, Gauteng

Mapodisi a gapile tšhelete eo go sa totobalang gore ke bokae mo babelaelweng. Setshwantsho: X

Babelaelwa ba le barataro ba tshwerwe ka Lamatlhatso, 08 Mopitlwe 2025, fa morago ga gore ba tshware poo, koloi eo e tsamaisang tšhelete kwa Vanderbijlpark, Gauteng.

Mapodisi a kgonne go amoga magolegwa, tšhelete eo e neng e utswitswe, dithunya gammogo le dikoloi tseo di neng di dirisiwa mo bosenying jono.
Go ya ka Sebueledi sa Mapodisi kwa Gauteng, Colonel Dimakatso Nevhuhulwi, bosenyi bo diragetse ka nako eo koloi ya tšhelete e neng e tsenya tšhelete mo motšhining.

Babelaelwa ba ne ba supa batlhankedi ba tshireletso ka dithunya, mme ba ba amoga dithunya tsa bona pele ga fa ba inaya naga ka madi ao go neng go sa totobala gore ke bokae.

Go ya ka pegelo, babelaelwa ba ne ba dirisa dikoloi tsa Ausi A3 le Toyota Quantum go inaya naga.

Mapodisi a tlhalositse gore ga go a nna le thuntsano ebile ga go na ope yo o gobetseng mo kgothotsong eno mme dipatlisiso tsa mapodisi di ne tsa a lebisa kwa ntlong nngwe kwa Evaton kwa babelaelwa ba tshwerweng teng.

Kwa ntle le dikoloi, dithunya le madi, Mapodisi a kgonne go amoga babelaelwa dicellphone di le tlhano.

Borataro jono bo tlile go tlhagelela kwa kgotlatshekelo ya Vanderbijlpark go arabela ditatofatso tsa kgototso ka dithunya gammogo go nna le dithunya tseo di seng ka fa molaong.