Jaaka Puso e ilêditse mosepele yo o sa tlhokafaleng malatsi a le 21 go fitlha ka 16 Moranang 2020, bana le bona ba mo gae mme le bona ba mo matshosêtsing a go ka kopana le mogare.
Jaaka motsadi kgotsa mogolo, êla dintlha tseo di latelang tlhôkô gore wena le ba ntlo ya gago le nnê le sirêlêtsêgilê mo nakong eno.
- Netefatsa gore bana ga ba tshamekêlê kwa mebileng mo nakong eno
- Le fa ba ka tswa ba tshamekêla mo gae, netefatsa gore bana ga ba kopane le bana bao e seng ba ka fa lapeng
- Netefatsa gore bana ba ntlo ya gago, ga ba kopane le ope yo e seng wa ntlo ya gago, seno se tla thusa go thibêla kanamô ya COVID-19
- Le fa ba ka tswe ba sa supe matshwaô ape a tshwaêtsêgô, êla tlhôkô gore bana ba ka fetisa mogare fa ba ba le ôna, mme seno se ka tsenya mo kotsing, matshelo a batsadi bao ba ntseng ba ba le malwetse a mangwe.
Gakologêlwa gore go iphapha mo go kôpaneng le batho ba bangwe go raya eng
- Leka ka bojotlhê gore ga o kôpane le batho mo nakong êno
- Ka go se kôpane le batho, o thusa go emisa kanamô ya mogare
- Go nna kwa lapeng go raya gore ga o letlêlêle ope go êtêla kwa o nnang teng
- Kgaola maoto a gago kwa mafelông ao go nang le batho ba le bantsi teng
- Fa go ka patêlêtshêga gore o tswe go ya go batla dijo, go amogêla madi kgotsa go ya ngakeng, netefatsa gore o nna sekgala sa mitara le halofo magareng ga motho yo o fa pele le yo o fa morago ga gago
Gakologêlwa ka dinako tsotlhe gore maikaêlêlô a Puso go ilêtsa mosepele ke go emisa go tshwaêtsana ga baagi ka mogare.
Go bona tshedimosêtso go feta fano, êtêla legae la Puso la tshedimosêtso ya Corona COVID-19 fano