Gaabo Motho go thebe phatswa.

Maboa a santse a ratega thata mo magaeng.

204

Gantsi fa ngwaga o ya fifing go na le dijo di le dintsi tseo di jewang mo magaeng, tseo di bonwang mphiwafela go tswa mo nageng. Sengwe sa dijo tseo ke maboa. Maboa a tlhoga mo seolwaneng kgotsa seolo mo go ba bangwe, mme fa o a epa o tla fitlhela a na le makeke. A tsaya setshwano sa mokgele fa a setse a godile. Selo se se kgatlhang ka maboa ke gore o ka a ja a le matala kgotsa a budule. Tlhokomela gore maboa ga se dithunthuntswane. Maboa ga a bolaye fa o a jele, mme dithunthuntswane di ka go isa kwa lebitleng, ka jalo pele ga fa o ja, botsa pele ba ba tlhaloganyang mme fa o se na bonnete, tlogela!

Maboa a tswa mo seolong. Bangwe ba re ke seolwana. Maboa a tlhagelela go simolola kgwedi ya Ngwanatsele go fitlha fa Ferikgong e ya fifing, mme ka lesego fa pula e dumetse sentle, o ka a wela go tloga ka Phatwe go fitlhelela Moranang. Setshwantso ka Malebogo Putu.
Fa morago ga letsatsi fa o tla go a tlhola o ka fitlhela a godile jaana. Setshwantso ka Malebogo Putu.
Fano ke fa o setse o a kumutse mo seolong, fa a le jaana a a jega ebile a monate. Sa gago ke go tlosa mmu mme o ijele gonne a jewa a sa apeiwa le fa a apeilwe. O ka a ja gape a santse a le mannye jaaka mo setshwantshong sa ntlha. Setshwantso ka Malebogo Putu.
Bona gore modi wa lona o moleele jang. Bangwe ba ja maboa le medi ya teng, mme bontsi ga ba e je gonne e na le tatso e botlhokonyana. Gantsi go jewa tlhogo le molala. Setshwantso ka Malebogo Putu.
Fa ke maboa fa a setse a godile. Fa a le jaana ga twe a tlharaletse. Ga a monate fa o a ja a le matala a setse a tlhareletse, ebile fa a le jaana a be a setse a le gaufi le go senyega. Fa a senyegile a phepheutega le go nyeuma diboko fela jaaka nama. Setshwantso ka Malebogo Putu.

Go le gantsi, maboa a simoloa go nna teng kgwedi ya Ngwanatsele go fitlhelela ka kgwedi ya Ferikgong fa e ya ‘fifing. Le gale go ya ka bagolo bao re ba fitlhelang ba ntse ba ja dijo tse, ba tlhalosa gore fa pula e na sentle, lefatshe le itumetse, maboa a simolola go tlhagelela ka kgwedi ya Phatwe go fitlhelela ka kgwedi ya Moranang.
Gore o epolola leng maboa, go tswa mo go wena. Bangwe ba a rata a santse a le mannye mme bangwe ba a emela go fitlhelela a godile a setse a tlharalletse a tshwana le mokgele. Nako nngwe le nngwe fela fa a setse a tlhagalletse mo godimo ga mmu o ka a epolola mme wa a apaya. Go a apaya le gona ga go na mokgwa o siameng, go ya fela ka moapei le gore o rata eng. Bangwe ba a apaya ka metsi mme ba a tshele diloki tsotlhe tseo ka di akanyang, mme ba a gadike.
Bangwe bona ba apaya fela ka metsi mme ba a loke letswai le le nosi. Go sa kgathaletsege gore o apaya jang, baji ba ona ba dumelana ka monate wa teng le tatso ya teng e ileng kwa nameng. Gongwe ke nama ka ntlha ya gore malatsi fela a le matlhano a ntse a tlhogile, fa a sa bonwe ke ope a simolola go omelela mme a phephethe diboko a ije (go tewa fa a senyegile). Monko wa ona fa a setse a ijele o maswe moo o ka a ilang.

Comments are closed.