Gaabo Motho go thebe phatswa.

Itsholelo, Kgwebo le Matlotlo

Puso e itsise R500bn e le Madi a namola manokobe a #COVID-19

Madi ano a akaretsa go oketswa ga Madi a tlamêlô a bana le ao a amogêlwang ke bagodi go akarêtsa le tlamêlô go botlhe bangwe bao ba sa direng mme ba sena mokgwa ope wa go itirêla lotsênô. Moporêsidêntê Cyril Ramaphosa o itsisitse ka Labobedi 21 Moranang 2020, fa Puso e tlile go rêbola R500bn e le madi ao a tlileng go thusa go tshegêtsa itsholêlô ya naga le MaAforika Borwa mo nakong eno ya lerôbôrôbô la Covid-19. Mo go seo Ramaphosa a se tlhalositseng fa e le tshegêtso e kgolo mo nageng ya itsholêlô le loagô,

Lebêlêla: Moporêsidêntê Cyril Ramaphosa o ema setšhaba ka lefoko tebang le dikgatô go fokotsa go imêlwa ga Loagô le itsholêlô mo nakong ya…

President Ramaphosa outlines expanded #COVID-19 social and economic relief measures

President Cyril Ramaphosa outlines additional economic and social relief measures that form part of the national response to the COVID-19 pandemic.

Moporêsidêntê Cyril Ramaphosa o tlhalosa ka moo puso e tlileng go imolola itsholêlô le loagô mo nakong eno ya kilêtso ya motsamao.

Mapodisi kwa Polokwane a tsibosa kgatlhanong le go tshwara madi a le mantsi

Polokwane, Limpopo. Mapodisi a Polokwane kwa Limpopo a gakalola baagi go efoga go tshola madi a le mantsi mo go bona. Seno se latela tiragalô ya Lamatlhatsô 23 Ngwanatsele 2019 kwa Savanna Mall eo mo go yona monna le mosadi wa gagwe ba kgothoditsweng madi moragô ga gore ba a gôgê kwa bobolokêlông , seno e le ka ntlha ya fa ba ne ba batla go rêka sejanaga se sentšhwa. Go ya ka Brigadier Motlafela Mojapelo, fa moragô ga gore ba tsene mo koloing, babelaêlwa ba le babedi bao ba sa itsiweng ba ne ba tla kwa go bona mme ba

Ba le 20 ba tshwarelwa moêpô yo o seng ka fa molaong

Mapodisi kwa Gauteng a tshwere babelaelwa ba le 20 ka ditatofatso tsa go dira moêpô e se ka fa molaong. Tiragalo ya gompieno, Labobedi 13 Phatwe 2019 e diragetse kwa Matholesville gaufi le Roodepoort mme go ya ka Sebueledi sa Mapodisi Kay Makhubele, seno se tlisa palogotlhe ya bao ba setseng ba tshwere fa e sale beke e e fetileng, go 30. Mapodisi a re a kgonne go amoga babelaelwa didiriswa tsa moêpô gammôgô le go tlhatlhamolola kgokaganyo eo e seng ka fa molaong ya motlakase le metsi mme ba tlhatlhamolotse le mekhukhu

Botlhokatiro jwa basha mo Aforika borwa ke tlhobaboroko – Mopresidente Cyril Ramaphosa

Mopresidente Ramophosa o ne a eme batlamoletlong wa go keteka dingwaga di le 43 morago ga dikhuduêgô tsa baithuti tsa 16 Seetebosigo 1976. Setshwantsho: GCIS/Twitter. Mopresidente wa Aforika Borwa Cyril Ramaphosa a re go tlhôka tiro ga basha mo nageng ke tlhobaboroko. Ramaphosa o buile seno kwa mabaleng a kerikete kwa Polokwane, Limpopo fa a eme batlamoletlong wa go keteka ngwaga wa 43 morago ga dikhuduêgô tsa baithuti tsa 1976. Mopresidente o tlhalositse gore bontsi jwa basha mo Aforika Borwa ga ba kgone go bona

@RustenburgLM e tsibosa baagi ka “money market job scam”

Pusoselegae ya Rustenburg e kaile mo pegêlông gore go na le mongwe yo o itsegeng ka leina la Eric yo o tsietsang baagi kaa gore ke modiredi wa Pusoselegae mme a ba tshepise go ba thapa fa ba ka mo tsenyetsa madi kwa marêkêlông ka mokgwa yo o itsegeng wa "money market". Sebueledi sa Pusoselegae, David Magae a re mokgwa wa ga Eric ga se yo Pusoselegae e thapang ka teng. Pusoselegae e dirisa mafaratlhatlha a dikgokaganyô mme e dirisa gape le makwalodikgang a selegae le bosetšhaba go bapatsa ditiro, mo godimo ga moo ga go

@AngloAmericanZA e abêla @RustenburgLM lefatshe.

Pusoselegae ya Rustenburg e kaile fa e tlile go ungwêlwa le go dirisa lefatshe leo e le nêêtsweng ke Anglo American Platinum go tlamêla ka mantlo le bonnô go baagi. Setlamô sa meêpô sa Anglo American Platinum se abetse Rustenburg dihektara di le 242 tsa lefatshe tseo di lekanyediwang go R17 million, go le dirisetsa segolobogolo kagô ya mantlo le go fudisetsa bangwe ba baagi. Dikarolo tsa 26, 109 le 187 tsa polasa ya Paardekraal 279 JQ, di abetswe Pusoselegae le Kgotla ya Tsweletsopele ya Baagi ya Rustenburg kwa

Boitapoloso

Newsletter

Boditshaba

Metshameko

@theNWU e tshwara ditekô tsa kgwele ya dinaô

Fa o le motshameki yo o itshêpang wa kgwele ya dinaô ebile o le magareng ga dingwaga di le 18 le 23, tsamaêla kwa North West University kwa Mahikeng ka Lamatlhatso 04 Ferikgong 2019 go tsenêla ditekô tsa kgwele ya dinaô. Ditekô di tlile go simolola ka 08H00 mesong mme o tshwanetse e be o le MoAforika Borwa ka tsalo ebile o falotse materiki ka
Read More...